Acts 11

Petere o bolela polelo ka ga Korenelio

1Ka bonako dikgang tsa fitlha kwa baaposetoloing le bakaulengwe ba bangwe kwa Judea gore Badichaba le bone ba amogetse Lefoko la Modimo. 2Mme erile Petere a boela kwa Jerusalema, badumedi ba Bajuta ba ganetsanya nae.

3Ba ne ba mmaya molato ba re, “O itsalantse le Badichaba ebile o jele nabo.”

4Mme Petere a ba bolelela polelo yotlhe. 5O ne a re, “Erile letsatsi lengwe mo Jopa ke sa ntse ke rapela, ka bona ponatshegelo, letsela le legolo la fologela fa fatshe ka dinaka tsa lone tse nne le tswa legodimong. 6Mo letseleng go ne go le mefuta yotlhe ya diphologolo, digagabi le dinonyane (tse re sa tshwanelang go di ja). 7Mme ke ne ka utlwa lentswe le re, ‘Bolaya mme o je tse o di ratang.’ 8Mme ke ne ka fetola ka re, ‘Nnyaa, Morena, gonne ga ke ise ke ko ke je sepe se se idiwang ka melao ya rona ya Sejuta!’

9“Mme lentswe la tla gape la re, ‘Se re ga go a siama go jewa fa Modimo One o re go siame.’

10“Mo go ne ga diragala gararo pele ga letsela le tsotlhe tse di neng di le mo go lone di nyelelela kwa legodimong. 11Mme banna ba bararo ba ba neng ba tsile go ntsaya go ya Kaesarea ba goroga kwa tlung e ke neng ke nna mo go yone! 12Mme Mowa O O Boitshepo o ne wa nthaya wa re ke tsamaye le bone le gone ke seka ka tshwenyega ka Bodichaba jwa bone! Bakaulengwe ba barataro ba, ba tsamaya le nna, mme ka bofefo ra goroga kwa mo-tseng wa monna yo o neng a romile barongwa. 13Mme a re bolelela ka fa moengele a neng a tla kwa go ene ka teng a mmolelela gore a rome barongwa kwa Jopa go batla Simone Petere. 14Moengele a mmolelela gore, ‘monna yoo o tlaa go bolelela ka fa wena le ba ntlo ya gago lo ka bolokwang ka teng.’ 15Mme ka simolola go ba bolelela Mafoko a a Molemo, mme e rile fela jaaka ke simolola thero ya me, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, fela jaaka o ne wa fologela mo go rona pele!

16“Mme ke ne ka gopola mafoko a Morena fa a ne a re, ‘Ee, Johane o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo.’ 17Mme ka e ne e le Modimo ka boone o o neileng Badichaba ba mpho e e tshwanang le ya rona fa re dumela mo go Morena Jesu Keresete, ke ne ke le mang yo ke ka ganetsang?”

18Mme erile fa ba bangwe ba utlwa kaga se, dikganetso tsa bone tsotlhe di ne tsa arabiwa mme ba simolola go galaletsa Modimo; ba ne ba re, “Ee, Modimo o neetse le Badichaba tshwanelo ya gore ba sokologele kwa go one le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng!”

Badumedi ba Antioka

19Mme badumedi ba ba neng ba siile mo Jerusalema ka nako ya pogiso morago ga loso lwa ga Setefane ba tsamaya ba bo ba ya go fitlha kwa Fenikia, le kwa Kupero le kwa Antioka, ba gasa Mafoko a a Molemo mo Bajuteng fela. 20Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedi ba ba neng ba ya kwa Antioka ba tswa mo Kupero le mo Kurene le bone ba ile ba rerela Bagerika molaetsa wa bone kaga Morena Jesu. 21Mme Morena o ne a rotloetsa maiteko a gore Badichaba ba le bantsi ba nne badumedi.

22Mme erile phuthego e e kwa Jerusalema e utlwa se se diragetseng, ba romela Barenabase kwa Antioka go thusa ba e leng gone ba sokologang. 23Erile fa a goroga ebile a bona dikgakgamatso tse Modimo o neng o di dira, a tlala kgakgamalo le boitumelo, mme a kgothatsa badumedi gore le fa go ka nna jang, ba nne mo Moreneng.

24Barenabase e ne e le motho yo o bonolo a tletse Mowa O O Boitshepo a bile a nonofile mo tumelong. Mme ka ntlha ya gone mo, batho ba le bantsi ba ne ba oketsega mo Moreneng.

25Mme Barenabase o ne a ya kwa Tareso go batla Saulo. 26Erile a mmona a mmusetsa kwa Antioka; ka bobedi jwa bone ba nna koo ngwaga yotlhe, ba ruta badumedi ba basha. (Ke kwa Antioka kwa badumedi ba neng ba simolola go bidiwa “Bakeresete” teng.)

27Ka nako e baporofiti bangwe ba ne ba tswa Jerusalema ba ya Antioka, 28mme mongwe wa bone yo o bidiwang Agabuse, o ne a ema ka tlhotlheletso ya Mowa mo go nngwe ya dikopano a bolelela pele gore leuba le legolo le tlaa tla mo lefatsheng la Iseraele. (Mo go ne ga diragala ka nako ya puso ya ga Kalaudio). 29Mme jalo badumedi ba ikaelela go romela thuso kwa Bakereseteng mo Judea, mongwe le mongwe a ntsha kafa a ka kgonang ka teng. 30Mme ba ile ba dira, ba isa dimpho tsa bone kwa go Barenabase le Saulo gore ba di ise kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Jerusalema.
Copyright information for TsnLEF